Pampiri e, e na le ditsebe di le 7.
DITAELO
Pampiri e, e kgaogantswe/arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le
KAROLO YA A: Tlhamo 
KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano. 
KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano/ tshupetso/tshedimosetso /pono/ gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano. 
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo karolong nngwe le nngwe.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karabo moithuti a thalele.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenane la thulaganyo, go tsereganya le go buisa gape tiro ya bona pele ba kwala.
KAROLO YA A TLHAMO POTSO 1
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 400-450 ka ga NNGWE fela ya ditlhogo tse di latelang kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo, se neele setlhogo se se maleba.
Setshwantsho se bontsha fa bašwa ba le bantsi ba ineeletse nnotagi le diritibatsi. Re ka kganela jang go etegela ga bothata jo.
Mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng. Anela.
Fa nka bo ke le Tona ya Lefapha la Thuto nka bo ke ...
Puso e simolotse lenaneo la go neelana ka madi a tlamelo ya bana. Kwala tlhamo ya ngangisano, mme o tlhagise ditlamorago (tse di molemo le tse di bosula) tsa lenaneo le.
Moithuti mongwe o ne a belaela gore o tshwaeditswe ke bolwetse jwa Lebolelamading. Kwala tlhamo ya mmuisano magareng ga ngaka le moithuti yo.
Tlhalosa tiragalo e e boitshegang e o se kitlang o e lebala.
MADUO A KAROLO YA A: 50 KAROLO YA B DITLHANGWA TSE DILEELE TSA TIRISANO POTSO 2
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong ya B, karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 180 - 200.
Sekaseka setshwantsho se se latelang, mme morago o kwale lekwalokopo la tiro e e supiwang ke setshwantsho se.
Go phatlhatiro nngwe e o e boneng e phasaladitswe mo lokwalodikgang lwa bokhutlo jwa beke. Itlhamele lokwaloikitsiso lo o tla lo dirisang go dira kopo ya tiro e.
Setlamo sengwe se se itsegeng mo Aforika Borwa ka bophara se lemogile fa o na le bokgoni jwa go bua le batho. Jaanong o kopilwe go bua le setshaba sa gaeno mabapi le ditiragalo tse di diragalang mo setshwantshong se se fa tlase se. Neelana ka Pegelo.
Go na le dipelaelo tsa tiriso e e botlhaswa ya madi ka batlhankedi ba puso. Jaaka mokwaledi wa mokgatlho wa baagi, kwala Puo e o ka neelanang ka yona mo kopanong ya baagi.
MADUO A KAROLO YA B: 30 KAROLO YA C DITLHANGWA TSE DIKHUTSHWANE TSA TIRISANO POTSO YA 3
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong ya C, karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 120 - 150.
Thala papetlana ya papatso e mo go yona o gogelang bareki gore ba reke matlo mo lefelong la gaeno.
O mokaedimogolo wa maeto a a kgakala mme o dira mo karolong ya bana ba dikolo. Naya tshedimosetso e o ka neelanang ka yona ya loeto go tswa mo toropong ya lona go ya kwa tikwatikweng ya mabenkele a a gaufi.
Laletsa tsala ya gago go tla moletlong wa lenyalo la ga mogoloo. MADUO A KAROLO YA C: 20 PALOGOTLHE YA A, B, C: 100
